Meditation, Christian meditation
 
SA   LEFATSHE   SA   MEDITHEISENE   WA   BOKERESETE
SA   LEFATSHE   SA   MEDITHEISENE   WA   BOKERESETE
SA   LEFATSHE   SA   MEDITHEISENE   WA   BOKERESETE
Meditation, Christian meditation, WCCM




Dipuiso
Dipuiso

Bontle jwa thapelo ke gore go bulega ga dipelo tsa rona go tlholegile jaaka go bulega ga lelomo. Gore lelomo le bulege le go thunya go tlhokega fela gore o le letle; ka jalo fa re le fela jalo, fa re nna re sa tshikinyege le ka tidimalo, pelo ya rona e tla bulega, Moya o o Boitshepo o tla tshologela mo bothong jwa rona. Ke ka ntlha ya se gore re bo re tlholegile.

 JOHN MAIN OSB (1926 – 1982)

 “Mathata a Mokeresete” (The Christian Crisis)

 Go tswa go John Main OSB, THE PRESENT CHRIST (New York: Crossroad, 1991), pp 74-76.

 …. Go nna le mowa wa boModimo re tshwanetse go tlogela bodumedi ba rona ba semmuso – ke gore go tlogela Mofarasai yo o leng teng mo gare ga rona rotlhe – ka gonne, jaaka Jeso a re boleletse, re tshwanetse go tlogela borona kwa morago. Ditshwantsho tsotlhe tsa rona tse di tlang go tswa mo bokong jwa rona jwa dikeletso, di tshwanetse go tlogelwa le go fetelela fa re nna ngatana e le nngwe le borona, le Modimo, le borona – ke gore, go nna botho ka nnete, le bonnete tota, boikobo ka nnete.

Ditshwantsho tsa rona tsa Modimo le tsone di tshwanetse go nyelela. Ga re a tshwanetse go rapela medimo e sele. Ka go rata go itse thata, di nyelela fa ditshwantsho ka ga borona di nyelela, se se kayang gore … re ntse re fopholetsa, ditshwantsho tsa rona ka ga Modimo e ne e le ditshwantsho tsa rona. Mo tsamaisong e e kgatlhisang e ya go kopana le lesedi le tletseng la Nnete, ya go tlogela go lora, go tlhagelela tidimalo e e tseneletseng kwa botennye. Re ikutlwa re tsene mo tidimalong e e sa feleng ya Modimo. Ga re tlhole re bua le Modimo, kgotsa go feta moo, go bua le rona. Re ithuta go nna – go nna le Modimo, go nna mo Modimong. [….]

Mo loetong lwa semowa go tsaya maikatlapelo a le mantsi go nna ka tidimalo go na le go siana. Batho ba le bantsi, mo nakong e ba tsogileng mo go yone ba dira ba potlakile go fetsa sengwe go dira se sengwe mo e leng gore ba tshaba go se tshikinyege le tidimalo. Go na le letshogo lengwe le le leng teng le re ka re fekeetsang fa re simolola go lebana le go se tshikinyege…. Fela fa re ka nna le maatla a go lebana le tidimalo e, re tsena mo kagisong e e ka se tlhaloganngweng ke ope.

Ga go belaetse gore go bonolo go ithuta se mo setšhabeng se se lekalekanang e bile se ritibetse. Mo lefatsheng la dintelo e bile le tlhakatlhakane go na le mantswe a mantsi a a timetsang, dilo tse dintsi tse di batlang re di leba. Fela pono ya Mokeresete e tibile sentle, e ganana le phetelelo e kgolo, mo taletsong ya mongwe le mongwe wa rona go nna le maatla a go nna borona mme e seng fela go leba fela ditshwantsho dingwe tsa rona tse di tlisiwang mo go rona go tswa kwa ntle. [….]

Se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go se ithuta mo maitemogelong a meditheišene ke gore  maatla a philgrimeiji a teng ka nako tsotlhe. Go batlega fela kgato e le nngwe ya tumelo gore re itse seo go tswa mo maitemogelong a rona. [Gape] sengwe sa botlhokwa se o tshwanetseng go se gopola ke gore bokoa bo le bongwe mme e le kgato ya nnete bo mosola thata go na le palo nngwe ya maeto a a dirilweng ke dikakanyong.

 

Meditation, Christian meditation, WCCM Updated : 9 September 2009           Webmaster : swarts@btinternet.com