|
BACK TO ENGLISH
Kgang ya rona
Kgang ya rona
Mokgwa wa bogologolo wa Sekeresete wa go
meditheita ka go bua lefoko le le lengwe (mantra) o ne wa tsosoloswa ke monko
wa Seesimane wa Benedictine, e bong Dom John Main (1926-82) o tlhomile
Tikwatikwe ya Meditheišene ya Bakeresete kwa London (1975), mme gape, mmogo le
Dom Laurence Freeman OSB, ba batlile setšhaba sa meditheišene sa batho ba ba
dumelang le batho fela kwa monasetering wa Montreal (1977). Setšhaba sa
Lefatshe sa Meditheišene wa Bakeresete se tlhamilwe kwa London (1991) mme se
eteletswe pele ke Dom Laurence le Boto ya Kaelo ya maloko a boditšhabatšhaba.
Setšhaba se ntse se tlhaeletsa le go go godisa meditheišene jaaka o rutilwe ke
John Main ka ga kopano ya botlhe. Maikemisetso a fitlhelelwa ka setlamo sa
phasalatso (Medio Media) e bong Tikwatikwe ya Boditšhabatšhaba kwa London,
Lekwalokgang la Boditšhabatšhaba la kotara le Seminara ya Ngwaga ya John Main.
|