|
Meditation
Meditation
Iketle mme o itse fa ke le Modimo
Ka 1975 John Main OSB (1926 – 1982) o ne a bula Tikwatikwe
ya ntlha ya Meditheišene wa Bokeresete kwa monasetering wa gagwe kwa London. O
ne a dirisa mokgwa o o bonolo wa thapelo e e didimetseng wa monagago go tswa mo
dithutong tsa pele tsa dimonko tsa Bakeresete, ebong Desert Fathers. Go ne ga
totobala mo go ene gore mokgwa o o tsamaelana le segompieno e seng mo dimonkong
fela. O ne a bona fa e le tsela ya tsosoloso ya kereke le lefatshe.
Meditheišene o bonolo e bile o a diragala. Ke ka ga
maitemogelo go na le kakanyo: tsela ya go nna jalo go na le go nagana. Ka
lebaka la tiro e meditheišene e nang le yone mo botshelong jwa motho, e feta
mokgwa wa thapelo; ke tsela ya botshelo, tsela ya go tshela go tswa kwa
botennye jwa motho mo maemong mangwe le mangwe.
Mo meditheišeneng Mokeresete o lebile Keresete. Se se kaya
gore e lebile thapelo ya ga Keresete ka go tswelela go tshela tumelo mo go moya
o o Boitshepo mo botennye jwa motho mongwe le mongwe. Mo botennye jwa dikakanyo
tsotlhe tsa Modimo ke Modimo ka boene. Mo botennye jwa kgopolo ke bonnete jwa
Modimo. Ka jalo, ka tsela e ya thapelo e e itshekileng re lebala megopolo
yotlhe, mafoko le ditshwantsho gore re “beye ditlahloganyo tsa rona mo Pusong
ya Modimo pele go tshotlhe”. Ka tsela e re tlogela boikgopolo jwa rona kwa
morago gore re swe e bile re tsoge re na le boammaruri mo go Keresete.
“Meditheišene ke ntlha e e tlhokagalang thata mo
botshelong jwa Sekeresete gompieno. Ga e kgetholole mekgwa e mengwe ya thapelo
mme e tiisa go lebelela disakaramente le lefoko.” LAURENCE FREEMAN OSB
“Iketle mme o itse fa ke le Modimo”
Meditheišene ke ka ga go emisa moya le mmele. Ntle le
dikgoreletsi tsotlhe tsa lefatshe la ga jaana, tidimalo e e a kgonagala mo
bathong gompieno. Fela go fitlhelela tidimalo e re tshwanetse go neela nako mo
tirong ya tidimalo.
Mokgwa oo re dirang tiro ke ka go bitsa temana e
khutshwane, kgotsa lefoko la thapelo, le gompieno le bitswang mantra. Mantra ke
tsela e e tletseng tumelo ya go leba kwa godimo ga rona, mokgwa wa go re isa
kwa kgakala le menagano le matshwenyego a rona. Tiragatso e ya meditheišene
jaanong e nna kagiso mo mmeleng, tlhaloganyong mo mmeleng.
Se ke maikaelelo a a
tlhagisitsweng mo Lokwalong: “Iketle mme o itse fa ke le Modimo.” Mo
meditheišeneng re tima lebone la go batlisisisa mogopolo wa rona. Ga re nagane
gkotsa go bua le Modimo le e seng. Re rata go dira sengwe se segolo thata: re
rata go nna le Modimo, go nna mo monaganong wa ga Keresete. Re dira go feta
menagano. Meditheišene ga se fela ka ga go nagana mme ka ga botho. Maikaelelo
mo thapelong ya rona ya Sekeresete ke go letlago nna teng go go gagamang e bile
go didimetse ga Modimo yo o setseng a le teng mo gare ga rona go nna bonnete jo
bo neelalang ka bokao, popego le maikaelelo a tsotlhe tse re leng tsone le tse
re tlang go di dira. Tiro ya ntlha ya meditheišene, ka jalo, ke go tlisa
mogopolo wa rona o o kgoreletsegileng gore o se tsikinyege, o didimale le go
nna bonolo.
Philgrimeiji ya Thapelo
Meditheišene ke philgrimeiji ya tlhamalalo go ya kwa
botennye jwa gago, go ya kwa pelong ya gago. Go fitlhelela bonolo jwa teng go
raya go ithuta boitshwaro. Ka jalo re tlhoka tumelo go nna jaaka bongwana. Ka
tumelo le bopelotelele meditheišene o isa kwa tidimalong e e kwa botengteng. Ke
mo tidimalong e moo re tsenang mo masaitseweng a Modimo. Taletso ya thapelo ya
sekeresete ke go ikgolola mme re kopane le Modimo. Mongwe le mongwe o biletswa
kwa phitlhelelong e ka nna ya fa e le botlalo jwa botshelo. Re re se tlhokang
ke bonolo jwa go dira ka tumelo gore tlhaloganyo ya ga Keresete e nne
maitemogelo a motheo mo matshelong a rona otlhe.
Meditheišene ke se Bakerese ba pele ba se bitsang “thapelo
e e itshekileng”. Ke mpho e e boteng e re tshwanetseng go ithuta yona ka
iketlo. Mo tshimologong re ka se tlhaloganye bokao jwa teng ka botlalo. Fela
nako nngwe le nngwe fa re meditheita re tsena mo bonneteng ka botlalo. Ka gonne
e re isa kwa loratong le le kwa botennye ga dipelo tsa rona, e dira gore re nne
batho ba ba lorato mo dikamanong tsa rona tsotlhe. Meditheišene ke motheo wa
maitsholo a mantle le boitekanelo.
Gompieno, re rata go busetsa ka bonako ntlha ya botshelo e
e bontshang kagiso e e leng teng mo botennnye jwa rona. Ka jalo, go dira
meditheišene letsatsi le letsatsi ga se go direla rona fela. Ka go re dira gore
re nne badiri ba kagiso, meditheišene e tswela mosola batho botlhe.
|